Kopa Dilalelo

KOPA DILALELO is consciously built to define credible context and engage different perspectives. The show uses a variety of views and projects them without subjectivity whilst ensuring that it projects all forms of unscripted conversations and engage audiences. It further uses multiple views at one time unless content is focused on an individual subject.

Kgodiso le tiriso ya puo ya Setswana le Prof Shole Shole

Re buisana le Prof Shole Shole go tswa ka UNIWES, re buisana le ena ka kgodiso le go tlhamiwa ga mareo a matsha a Setswana. Ba dira jaang gore rona baagi, le batho ba ba dirisang puo ya Setswana ka gale, re itse le go fitlhelela mareo ao a mantsha, kgotsa ao ba a tlhabolotseng.

03-12
46:52

Kotsi ya go jesa mokapelo wa gago moratiso le ngaka ya setso Kagiso Kaibes

Re buisana le ngaka ya setso, Kagiso Kaibes, ka kotsi ya go jesa mokapelo wa gago moratiso, le gore a gone meratiso ya dira naa?

02-26
41:16

Prof Otlogetswe ka gore Artistic Licence e thusa jaang go godisa puo segolo jaang puo ya rona ya Setswana

Re buisana le Prof Otlogetswe go tswa ko University of Botswana ka Artistic Licence. Artistic Licence e thusa jaang go godisa puo segolo jaang puo ya rona ya Setswana.

02-21
41:09

Kgotlang mo lenyalong le Prof Tholene Sodi (Clinical Psychologist)

Re buisana le Prof Tholene Sodi (Clinical Psychologist) o a dirileng dipatlisiso gore re baakanya jaang kgotlhang mo lenyalong re dirisa mekgwa ya go tsereganya ya se-Afrika.

02-19
37:30

Radio Day

Re buisana le Itumeleng Bahetane gore social media e ama jaang mokgwa o batho ba reetsang radio ka ona, radio e fetogile jaang mo dingwang tse di fetileng?

02-13
39:31

Go bofa lenyalo le Ngaka ya setso Rre Kagiso Kaebis

Re buisana le ngaka ya setso, Rre Kagiso Kaebis ka botlhokwa jwa go bofa lenyalo. A gona go santse go nale batho ba ba bofang/gothaya manyalo a bona.

02-07
36:15

Mebala ya Dikgomo

Mme gompieno re lebelela mebala ya dikgomo le gore e kaya eng mo Motswaneng .

02-01
38:08

Go gweba ka tonki le Mompati Kgomanyane-Modimogale

Tonki ga e bonwe jaaka seruiwa seo motho a ka gwebang ka sona, tonki ke phologolo eo gantsi e dirisediwang ditiro tse di thata, e sotliwa, phologolo eo e senang mosola. Re buisana le Mompati Kgomanyane-Modimogale yo a re fatlhosang ka ditshono tseo dileng teng tsa go ka gweba ka tonki.

01-24
36:49

Rre Bonakele Pakisi yo e neng e le paki mo kgetseng ya loso la ga Matlhomola Moshweu yo go belaelwang a bolailwe

Mo lekwalong dikgang la Raaport la 20th Ferikgong 2019, go tlhalositswe fa Pakisi a buile maka gore o bone tiragalo ya poloa ya Matlhomola Moshweu, go tlhalosiwa fa a ne a seyo/a le gautshwane le go tiragalo eo ya polao.Re buisana le Rre Bonakele Pakisi yo e neng e le paki mo kgetseng ya loso la ga Matlhomola Moshweu yo go belaelwang a bolailwe ke Pieter Doorewaard, 27, and Phillip Schutte, 34.

01-23
38:12

Ditsela tse batho ba ka di lebelelang go ka fitlha ba masika a bona

Mabitla a tlatse ko Johanessburg, re buisana le Dr. Lawrence Konyana president ya SA Funeral Federation, ka mekgwa le ditsela tse dingwe tse batho ba ka di lebelelang go ka fitlha ba masika a bona.

11-13
39:18

Monna le kae?

Re buisane le Meshack N. Kekana go tswa kwa Dads In The Picture (NPO) yo a neng a re fatlhosa gore rre ke ena a rwalang maikarabelo a go bona gore bana ba gagwe/bana ba mo motseng o a tshela mo go ona, ba tshela matshelo a a siameng ebile ke ena a tshwanetseng go ruta bana go nna le maitseo.

11-06
41:48

Molao wa reng ka lenyalo a setso le Mmueledi Rre John Nkomo

Rre buisane le Mmueledi, Rre John Nkomo a re tlhalosetsa gore; molao wa reng ka lenyalo la setso. Fa re re lenyalo la setso le mo molaong, ke eng seo se tshwanetseng sa bo se diragetse? (patlo, go ntsha magadi, go gorosiwa ga ngwetsi jalo le jalo)

11-01
34:27

Molao wa reng ka go tlhala molekane o a nang le bolwetse ba tlhogo.

Rre buisane le Mmueledi, Rre John Nkomo a re tlhalosetsa gore; molao wa reng, fa o batla go tlhala molekane wa gago yo a nang le le boletse ba tlhogo.

10-30
41:33

O ritibatsa jaang maikutlo fa wa losika a tseile botshelo jwa gagwe?

Go tlhokafala ga motho yo o mo itseng ga se selo se se bonolo, mme go botlhoko thata fa motho yoo, a tlhokafala ka go tsaya botshelo jwa gagwe. Lona ba lo setseng, lo sala lo ipotsa dipotsa tsa gore, le paletswe kae go mo utlwa? Goreng le sa bona matshwao? Goreng motho yoo a sa bua jalo le jalo.Fa o nale maitemogelo a go latlhegelwa ke tsala, molekane, wa losika kgotsa modirammogo, bua le rona, re utlwe gore wena o kgonne jang ritibala maikutlo morago ga tiragalo eo.

10-04
49:57

Puisano le Mme Edna Bomo Molewa, yo ka nako eo, e ne e le Tonakgolo ya profense North West

Re go tshamekela kgatiso ya puisano ya ga Mmusetsi “Chesa” Monaise, motlhagise wa maloba wa ditshwantsho-tumo mo Motsweding FM, fa a ne a buisana le moswi Ngaka Edna Bomo Molewa, yo ka nako eo, e ne e le Tonakgolo ya profense North West. Mo puisano e, Mme Molewa o re thadisetse leoto la gagwe la botshelo, gotswa kwa a belegetsweng teng kwa Mampatile(Bela Bela), go tsena mo go tsa thuto, le go nna karolo ya dipolotiki tsa mokgatlho wa African National Congress.

10-02
34:52

Dithamalakwane le mokwadi wa dibuka Rre Ben Matlole Maitsapo

Re buisana le Mokwadi wa buka ya Setswana e e bidiwang “Setswana Sa Reng” Rre Ben Matlole Maitsapo ka dithamalakwane, Re batla go itse bokao jwa dithamalakwane ebile re tlile go tshameka motshameko wa dithamalakwane mo tsamaong ya thulaganyo.

09-20
39:57

Thato Molosankwe o tsereng tshwetso ya go tsaya loeto gotswa Kapa go ya Cairo

Thato Molosankwe o tsereng tshwetso ya go tsaya loeto gotswa Kapa go ya Cairo, maitlhomo e le go tshibosa baagi ba dinaga tse a tlileng go tsamaya mo go tsone ka tshotlakako ya bana le basadi.

09-13
44:53

A AZAPO e santse e tsweletsa go ruta batho ka Black Consciousness kgotsa seo ke selo sa maloba?

A AZAPO e santse e tsweletsa go ruta batho ka Black Consciousness kgotsa seo ke selo sa maloba? Re seka seka kgang e le @MP_Author le Dr Motebe chairperson of Azapo in the Northern Cape. #MotswedingFMKD #SteveBantuBiko

09-12
41:50

Kgolagano ya Batswana le dinonyane

Kgolagano ya Batswana le dinonyane, goreng Motswana a biditse nonyane a ke thaga, lenong, mmamasila noka jalo le jalo.

09-06
41:20

Calendara ya rona ya Se Afrika le Rre Lesego Monyai

Re buisana ka Ngwaga o montshwa wa se Afrika le go tlhomiwa semmuso ga Calendara ya rona ya Se Afrika. Moeng wa rona gotswa ko The Royal House of Kermit ke Rre Lesego Monyai.

09-06
26:59

Recommend Channels